EDITOR IN CHIEF OF SEFALA 2000 – 2020MR GB MAREMEHE WAS THE FIRST EDITOR IN CHIEF OF SEFALA; HE SERVED THE UNIT FOR 20 YEARS. HE PRODUCED THE FOLLOWING DICTIONARIES:
|
Godfrey Bathobaile Mareme ke Motseleganyimogolo wa pulamadibogo wa SEFALA Dictionary Unit. O tsaletswe kwa Ga-Mosetlha (Makapanstad) kwa Bokone jwa Motsesetoropo wa Tshwane (Pretoria) Moranang a tlhola malatsi a le 26 ka 1960. Godfrey yo o neng a tumile ka “Lebolobolo” e ne e le motho wa batho. E ne e le moagi wa Mahikeng mme e bile a na le lerato le le penologang mo Puong Ya Gaabo ya Setswana. O digetse Mophato wa Marematlou kwa Sekolong se Segolo sa Nchaupe ka 1980. O nnile mongwe wa setlhopha sa bobedi sa baithuti ba Yunivesithi ya Maloba ya Bophuthatswana e e boneng tlhabo ya letsatsi ka 1980. O weditse lokwalo lwa BA (Ed) le BA (Hons) mo bofatlhosing jwa ga Moporofesara JE Setshedi yo o setseng a hulere. Ka e ne e le mosekaphofu wa Puo ya Setswana, o ne a wetsa dithuto tsa Botlhamathanodi (Lexicography) ka 2003 kwa Yunivesithing ya Rhodes.
O diretse Lefapha la Setswana la Yunivesithi e ga jaana e itsegeng jaaka Yunivesithi ya Bokonebophirima go simolola ka 1985 jaaka Motlhatlheledi mme a fudugela mo Botong ya Dipuotsotlhe ya Aforikaborwa (PanSALB) ka 2000 e le Mokwalathanodi (Lexicographer). O ntse morutabana wa mmakgonthe, o ne a ipela ka baithuti ba a ba amusitseng mme e bile a rata go bua ka bona a sa kgale mathe ganong. O ne a feleletsa a kotame Maemo a a kwa godimo tota a go nna Motseleganyimogolo wa Yuniti ya Bosetšhaba ya Puo ya Setswana e e itsegeng jaaka SEFALA le go nna Tokololo ya Boto ya Dipuotsotlhe ya Aforikaborwa (PanSALB).
Ke mongwe wa Batswana ba ba neng ba lwela tiriso ya Setswana se se sa pekanngwang mo ditheong di etsa Motsweding FM gareng ga tse dingwe. O ne a dira seno ka go ruta puo ya Setswana, hisetori, setso le ditlhangwa tsa sona mo seyalemoweng sa Motsweding FM. O kwadile setlhangwa sa gagwe sa ntlha sa terama ya serala e e neng e bidiwa “Nako e etla ”ka 1982 e e neng ya diragadiwa kwa Kholetšheng ya Moretele ka 1983. Ngatana ya gagwe ya dikgankhutshwe tsa pulamadibogo e tlhabetswe ke letsatsi mo ngwageng wa 1987, e leng “Botshelo ‘Sakana la nkope” e e neng ya dirisiwa kwa dikolong tsa Bophuthatswana. Mmogo le JWP Mashike le M Sebogwa ba kwadile lokwalo lwa “Motshwarateu.” Lokwalo lono lo ne lwa latelwa ke ditlhangwa tse dingwe tse tlhano, e bong “O madi matsogong”, “Thanodi ya Setswana”; “Thanodi ya Temepedi: Setswana-English”; “English-Setswana Maths & Natural Science Dictionary Grd 1-7” le “The Picture Dictionary, Grd R -3”
Mo diphitlhelelong tse dingwe tsa gagwe tse tota di thibang letsatsi, o ne a abelwa sekgele sa “Microsoft Local Language Program” ka ntlha ya seabe sa gagwe se se ntsheditsweng maswe dinaleng se se bakileng go ribololwa ga Windows Vista le 2007 Microsoft Office System ka Setswana. O ne gape a abelwa sekgele sa go dira ka matsetseleko kwa dikabong tsa Bopuontsi tsa PanSALB ka 2008/2009 e le go tlotlomatsa seabe sa gagwe mo kgodisong ya Puo ya Setswana fa go gololwa “Multilingual Terminology of Statistics South Africa.”
Lebolobolo o hularetse lefatshe le le ka kwano ka Lamatlhatso, Mopitlwe a tlhola malatsi a le 7 2020 morago ga bolwetse jo bokhutshwane. O tlogela molekane-Seipati, barwa ba le bararo-Tshepo, Remmone le Rebabone mmogo le ditlogolwana di le nne-Tshepiso, Remotshepile, Orefile le Remotlotlile, Rre Motsadi- Mampone, morwarraagwe-Aubrey le bokgaitsadie ba le bane-Audrey, Audict, Aulrey le Valrey.
Robala ka kagiso Motjididi! Robala ka kagiso mmekwa-a-kobuwe’a makgotlha-a-diala! Thubunyela bodibeng, o tlogele tshika sechaba se tshwere motlhagare!