NITAMISO YA MAREO A PATLISISO

NITAMISO YA MAREO A PATLISISO

Jun 20, 2025


Boto ya Dipuotsotlhe, PanSALB e ne e rometse Komitisetegeniki ya yona ya Mareo, Mokwalo le Mopeleto, e bong Komitisetegeniki ya Lekgotla la Bosetšhaba la Puo ya Setswana (LBPS) go nitamisa mareo a Patlisiso. Bokaedi jwa Dipuo mo Yunivesithing ya Bokonebophirima mmogo le Setheo sa Bosetšhaba sa Thanodi ya Setswana (Sefala) ba tshwaragane le tiro ya go tswa mafapha a a farologaneng mo Yunivisithing thuso tebang le go tlhama mareo a a ajang ditshenko go a  kgontsha go ka dirisa dipuo tsa segae di etsa Setswana go ka dirisiwa jaaka dipuo tsa go ruta, go ithuta le patlisiso.

Badirakapuo ba Bokaedi jwa Dipuo ba dira tiro e e ntsheditsweng maswe dinaleng ya go tlhama le go tsoma dilekani tsa mareo a Seesimane mo mefameng e e farologaneng mme morago ba laletse badirakapuo go tswa ditikwatikweng tse di farologaneng go ba kgwa dikgaba. Morago ga tiro e ya go kgwiwa dikgaba ke badirakapuo le badibelapuo, tiro eno e romelwa kwa Makgotleng a Bosetšhaba go nitamisa mareo ao le go a kana pele ga a ka phasaladiwa go dirisiwa ke bengpuo.

Tiro eno ya go nitamisa mareo a patlisiso e ne e nnetswe disana kwa Anew Hunters Rest, Rustenburg ka la 12-14 Motsheganong 2025. Palogotlhe ya Mareo ao a Patlisiso ke 194. Tiro eo e dirilwe ka bokgabale le matsetseleko mme ya re morago ya busediwa kwa Lekgotleng la Bosetšhaba la Puo ya Setswana a patilwe ke pegelo ya gore Lekgotla le a amogele le go a kana.

Pegelo e rulagantswe: Rre GB Phuti GS Dikgwele 14/05/25


PDF Version