Dictionary

  • a1, (tmns) - Setswana

    Word English: "a"

    tlhaka ya ntlha e e simololang alefabete

  • a2, (thsr) - Setswana

    Word English: {TE required}

    1. thuanyisediri ya mmui mo bongweng mo modirisongkanêlô e e kayang fa ditiro di tlhômagane A ja, a ema, a bua

  • a3, (thsrw) - Setswana

    Word English: {TE required}

    thuanyisedirwa ya setlhôpha ma- e e ruanyang sedirwa le letiro- Ke a jele (maungo)

  • a4, (thr) - Setswana

    Word English: {TE Required}

    1. thuanyirui e e supang gore maina a setlhôphaina sa ma-, a ruilwe ke sengwe Makgabe a basadi

  • a5, (lsp) - Setswana

    Word English: {TE Required}

    lesupi la maemo a ntlha la setlhôphaina ma-: Bana ba rata mašwi a

  • a6, (pp) - Setswana

    Word English: {TE Required}

    1. popi ya modirisokeletso e e supang bonôlo kgotsa go neneketsa. A re tsamaye

  • a7, (ltlhw) - Setswana

    Word English: {TE Required}

    lefoko le le kayang kakgêlô ka ga sengwe se e seng sa tlwaêlô: A namane e tona ya seruthu bagaetsho

  • a8, (pp) - Setswana

    Word English: {TE Required}

    popi ya modiroso kgônego Modise a ka bua

  • aa, (ltlhw) - Setswana

    Word English: {TE Required}

    lefoko le le kayang kgakgamalo: Aa! a phitlho e setse e dule e le gona le tsamayang

  • aba, (ldr) - Setswana

    Word English: {TE Required}

    go naya sengwe kwa ntle ga tuêlô. Go aba dimpho