-
akgola, (ldr) - Setswana
Word English: (ldr)
1. go tsholetsa ngwana o ntse o mo tlhaletsa ka go mo latlhêla kwa godimo gangwe le gape Go akgola motho thata: go tlotlomatsa
-
ako, (ltlhw) - Setswana
Word English: (ltlhw)
lefoko le le dirisiwang fa o kopa mme le tswa mo go a o ko o
-
akola, (ldr) - Setswana
Word English: (ldr)
1. go oketsega ga mmele go go bontshang go itumela kgotsa ka ntlha ya lebaka lengwe
-
ala, (ldr) - Setswana
Word English: (ldr)
go baakanyetsa dikobo kgotsa bolao go rôbala Go ala diatla: go kopa sengwe
-
alafa, (ldr) - Setswana
Word English: (ldr)
1. go naya kgotsa go tsaya ditlhare ka maitlhomo a go fodisa bolwetse